E WL

E WL REGISTERED WITH THE DIRECTOR OF POSTS AND TELEGRAPHS AS A NEWSPAPER Volume V No. 7 Organ of the Democratic Party JULY, 1967. LOETO LA TONA YA 'TEMO MO dikgweding tse di fitileng Tona ya Temo, Morena Tsheko T~sheko o ne a tsamaya thata mo mafelong a mantsi a Botswana, go bona balemi le barua-kgomo le go bona ditiro tsa ba Lephata la Temo le ba Lephata la Leruo. Mo mafelong otihe o ne a ntse a buisanya le babusi le magosi le merafe mo kgotleng le balemi ba basweu le ba bantsho. Me go itumedisa thata go bolela gore mo mafelong otlhe a a a tsamaileng pula e nele sentle mabele a teng le phulo e ntsi. Tota mo mafelong a mangwe pula e nele go feta selekanyo mo ebileng e ntshofaditse mabele ya bodisa dinawa le dithotse. Puo e o neng a e bua le batho bogolo e ne e le ya go ba kgothatsa go lema thata go katolosa masimo le go a epa disana le gore batho ba dire mo masimong a bone ngwaga otlhe eseng go ntsha dijo mo masismo go tswa foo batho ba bo ba siela kwa magaeng a matona goya go nna ba sa dire sepe. 0 ne a tlhalosa ka gore Goromente o lemoga gore temo le leruo mo Bot.swana ke tsone tse di tshetsang batho ka go sena mekoti le ditiro. Me a bolela ka gore Goromente o aga sekwele se segolo kwa se se tla rutang makau a Botswana temo le tlhokomelo ya leruo gore ba gasiwe le lefatshe la Botswana go ruta batho ka bontsi go lema mo go tla ba tswelang molemo. Gape balemisi ba rutwa ditironyana tse di mabapi le temo jaaka go baakanya mogoma le terekere le go aga polokelo ya dijo le matlwana le go betla majokwe gore ba tie ba thuse balemi mo dilong tse tsotlhe. Maikaelelo ke gore balemi ba kgone go ikagela matlwana a mantle (eseng lietaagananyana ya gompieno) mo nasimong a bone ba kgatlhege go nna mo masimo go dira masimo a bone ba ye gae fela go bapatsa tsa temo le leruo le go tihola bana. MR. TSHEKO TSHEKO One a bolela gape gore Goromente o simolola go dira matamo ka bo ntsi gore batho ba bone metse mo masimong a bone ba seka ba lelekwa ke lenyora ba ise ba fetse ditiro tsa bone le gore dikgomo di bone metse mo mafelong a a katologanyeng di seka tsa kgobola lefatshe ka go pitlagana. Sekwele sa temo kwa Gaborone se tla ruta le bagolo ba ba batlang go ithuta temo gore ere balemisi ba ba kaela mo masimong a bone ba tshware ka bonako. Tona ya Temo o ne a kgala thata mokgwa wa Batswana wa go kgobokana mo magaeng a matona ngwaga otlhe go sa dirwe sepe fa ese go tlhomaganya malwapa fela mme dikgomo di timela di tsalela mo nageng ka di tlogetswe le basimanyana fela. 0 gakolotse batho gore dikgomo di feditswe ke leuba fela jaaka di ne di feditswe ke Seakhubama. Me morago ga Seakhubama banna ba Batswana ba ne ba di kokotletsa ka go di tlhokomela ba nna natso. Fa di sa tlhokomelwe ga nke di kokotlegela gape. Bogologolo banna ba ne ba patelesega go nna mo gae gore ere dira di tla ba tsee marumo ba tlhabane. Gompieno ga gona dira tse di letwang mo magaeng. Gape ditiro tsa merafe di dirwa ke ba ba tlhophilweng ba dikhansele le dikgosi. Jalo ga go tlhokege gore bontsi jwa banna ba nne mo gae dikgomo di bolawa ke lenyora, di latlhele dinamane mo nageng bangwe ba di itseela go bo gotwe ba di utsule. Kaga thekiso ya dijo o boleste gore ba Lephata la Temo le la Dikoporasi ba eme ka dinao go senkela balemi mmaraka me bothata ke gore kwa go tleng go rekisiwe teng gale kwa Kopanong le bone ba na le dijo tse dintsi thata. Me goa lekwa go goa nnwa fela. Se sengwe se o neng a se bolela bakenti se rulaganyediwa go bulwa ke gore sekwele sa Ramatlabama sa le gore bakenti teng ba tla kaelwa paakanyo le pabalelo ya matlalo gore ba thuse batho go baakanya matlalo a bone gore a ba neele tlhwatlhwa e e siameng. Gape o ne a bolela gore Lephata la Temo la Botswana le dira tumalano ya tshwaragano le la Kopano go lwantsha dinonyane (tlhaga) tse * Continued on page 2 For your PRINTING and STATIONERY BOTSWANA PRESS (PTY.) LTD. P.O. Box 64 Mafeking PRINTERS OF THIS NEWSPAPER

PAGE TWO THERISANYO - CONSULTATION JULY. 1967. CAPITAL CONTINUATION CLASSES T HE Gaberones Community has, under the leadership of the Senior Educaeion Officer, Mr. S. H. Modisi, opened a night ,school under the name "Capital Continuation Classes" for Junior Certificate beginning with a Form I class this year. This project is an experiment and for this reason only 30 pupils have been drawn from all parts of Botswana as long as they were able to find accommodation with their relatives or friends in Gaberones. In response to the advertisement through Daily News and Radio Botswana 40 pupils applied. Their ages varied from 15 years to 27 years and all, except the two who passed standard VI in 1955 and 1957, passed standard VII between 1964 and 1966. Qualifications for admission were chiefly age and the year of passing standard VII and the class of passing was not considered a deciding factor. TUTORS An appeal to the public for people to volunteer to come to the rescue of the wasted future leaders turned out most encouraging results. From the offers and self-sacrifices, it is apparent that there are many people to whom the progress of Botswana is a great concern. The 26 people who have offered to sacrifice some hours of their evening work or rest from their ever increasing day's work are representative of Ministers, Civil Servants from all ministries and also volunteers. The ministers - the Vice President, Mr. Q. K. J. Masire and the Minister of Education, Health and Labour, Mr. B. C. Thema are among the tutors. Of these 26 tutors, 21 are qualified * teachers. What a blessing! We hope the students will take the tide at the flood. OFFICIAL OPENING At its inauguration on July, in a Geography classroom in the Gaberones Secondary School, the project had the blessing of the Minister of Education, Health and Labour, Mr. B. C. Thema. After being introduced by Mr. S. H. Modisi, the Minister said he was pleased to meet the tutors and students He emphasised to the students that they had had the opportunity that many had missed and would be wise to avail themselves of the services of their tutors. He said that although they were presently thinking of their personal advancement, they would be an asset to this coun- try if they made a success of their studies. He encouraged them, citing himself as an example, by saying that many people had achieved higher education through private studies, for though they would be taught for a few hours each school day, their task was almost equal to that of people studying privately and the bulk of the work fell on their shoulders. They would have to do a lot of studying by themselves. The Minister wound up his speech by outlining a few projects that Government had started or was contemplating on with a view to try and meet the pressing demand for supplying the skilled labour required in Botswana. He concluded that it was the aim of his ministry to persuade other big centres of Botswana with similar facilities to start night classes to combat the loss of potential leaders which otherwise occurs through numbers of scholars who pass standard VII but fail to get accommodatoin in secondary schools. BEHAVIOUR Mr. Modisi called the attention of the students to the fact that the normal conduct as was practised in schools would be expected of them. They would have to refrain from influences by their equals employed for various works who were free for "nice times" and other practices and "make ups" like the use of lip sticks. No student would be allowed into the class if he or she came to school shabbily dressed or with unwashed clothes. Because of the limited time available, regularity and punctuality to classes were a must. BEGINNING OF CLASSES Classes began on Monday, July 3 wlien 28 students turned up. The three teachers who did what may be regarded as preliminary work were satisfied with the response given in English, Mathematics and Geography. The students themselves looked active, interested and they wore brighRt faces and although all but six of theim obtained a third grade pass in standard VII, there is hope, all factors being equal, of their gaining from the course. SContinued from page . di senyetsang batho mabele me go a solofetsa. Kwa Machaneng Tona ya Temo o ne a amogela neo ya kgomo ya moroba ya Afrikana le kgetsi ya mabele e tswa mo bathung ba Domkrag ba Tswapong South Constituency ba e naya Goromente go lebogela thuso mo dinyageng tsa leuba tse di fitileng. Moemedi wa setsha seo, Morena G. Sebeso, o ne a bua jaana fa a supa neo e:"Tona-kgolo ya tsa Temo le Leruo, re a leboga gore o bo o re letleletse go go emisa sebakanyana fano mo tseleng fela, mme o sa ntse o le mo loetong lo lo leele. Ke romilwe ke Branch Congress e ke leng modulasetulo wa yone ya Botswana Democratic Party mo karolong eno ya Tswapong South Constituency go supa malebogo a magolo a rona re lebogela thuso ya dijo e e dirilweng ke Goromente mo leubeng la ngwaga o o fitileng - thuso e e neng ya re akaretsa rotihe ya seka ya tlhaetswa loago lope. "Mo dikgopolong tsa rona re le lekgotla Ia baemedi ba Botswana Democratic Party mo Tswapong South Constituency, re ne ra b6a e le tshwanelo gore re supe boitumelo jo bogolo ja rona ka "go isa mabogo go beng", ka dintonyana lefa tota e se tsa sepe di belaesega, tse ke di supang gompieno ka boikokobetso fa pele ga gago, e le kgetsi ya mabele a mahibidu le kgomo ya maroba ya mohuta wa Afrikander. Ga go tlhokege go bolela gore mabele a re kabo re sa a bona fa Goromente a na a seka a re akanyetsa dipeo go di reka ka tlhwatlhwa e e kwa tlase, ebile ga go tihokege go bolela jalo gape gore re kabo re feletswe ke dikgomo tsotlie fa di ne di seka tsa akanyediwa go fiwa dije ke Goromente. "Jalo re a lopa rra gore ka seatla sa gago, eleng wena Tona-kgolo ya tsa Temo le Leruo, a boroku jo ja rona re bo isetswe fa pele ga. Goromente wa rona wa Botswana. "Dikeletso tsa rona tsa Botswana fa e sale go tswa bogologolo ke gore, 'a kgono di swe di sale', a pula di ne re bone mabele". Goromente o leboga Ma-Domkrag a Tswapong South thata 'go isa mabogo go beng'. JULY, 1967. PAGE TWO THERISANYO - CONSULTATION

SEEMO SA MAKGOTLA A KGANETSO MO BOTSWANA MO PAMPIRING ya Motsheganong le ya Seetebosigo re tlhalositse thata ka fa Kgomo e Tshwana (B.I.P.) e suleng ka teng le gore mogogi wa yone jaanong o saletswe ke go diga bogosi jwa a Kgosi Letsholathebe kwa ga gabo ka go lothlanya Bayei le Batawana. Re ne re tihagisa Bayei ba ba kgethisiwang ka setihale. Puo tota e saletse Kgosi-Letsholathebe gore a o tla dumalana go kgaogana bogosi le Morwa Mpho - ene a busa Batawana fela me Morwa Mpho ene a busa ditsha tshotlhe tse di ntsweng ke Bayei, ba mo kgethela ba mo lemela, ba mo alela. , Jaanong re tla leka go supegetsa babadi ka fa makgotla a mangwe a Kganetso (Opposition parties) a swang ka teng. Babadi ba tla gakologelwa gore lekoko la Batswana Peoples Party le ne la arogana dikarolo di le tharo. Morwa Mpho o ne a itseela serwe se sengwe, Morwa Matante le ene a sia ka se sengwe, mine monnamogolo Moruti K. T. Motsete a sala a sholomela moswang mine a tioga a o tlhoboga a ikisa dikalola kwa Zambia. Ke gore mo go B.P.P. go no go setse dirwe di le pedi fela. Mine jaaka re setse re supile sa ga Morwa Mpho se nyeletse mo ntlheng tse dingwe tsa Botswana go setse ditshifanyana fela kwa ga gabo kwa Goo-Tawana. Digwapa tsa serwe sa ga Morwa Matante le tsone dia fela ka re bona mo di neng di omisediwa teng mo go setse ditshifa fela dinama di phamotswe ke bo-mankgodi. Dikoloi dia gapiwa, batho ba tlhoboga ditsholofetso tse di sa dirafadiwang, ba lelafaditswe ke go raelwa go senyediwa ditiro le go tsenngwa mo ditoronkong ba bofele- tswe dikopelo tse di kwadilweng "P.G." (Prison Graduate) me tichara wa bone (Morwa Matante) a sena natso e bile a sa tsene nabo. Se se saletseng Morwa Matante ke go siana le seporo sa terena fela fa gare ga Francistown le Gaborone le Lobatsi. Go bonala gore fa a ne a sa kgahelelwa borukutlhi go tsena kwa Kopanong ya Afrika borwa (South Africa) le mo Rotesia o kabo a siana le seporo go fitlha kwa se emang teng kwa Kapa. Mo metsing ya Setswana e e kgakala le seporo ga a bonale. Fa re ntse re tlhotlhomisa re bona gore mo metsing ya Setswana ga a. na balatedi kwa ntle ga dithaposane mo Ga-. Fa re ntse re latedisa re fitlhela gore mo metsing ya Setswana ga a na se a buang ka sone ka go gona babereki. Mo ditoropong o okwa ke dipuisanyo tsa babereki ba B.M.C. kwa LAobatsi le ba ga Costain le ba P.W.D. mo Gaborone. Ka e le marata-goloTwe o nnetse go touta dingongorego Isa babereki fela a ba loatsa gore ba ngale tiro, ba ile Goromente. Lefa o ka tsena diphuthego tsa gagwe ga ntsi ga o kake wa utlwa a bua ka se sele sa tswelelo-pele fa ese go lotlhanya badiredi le Puso fela. Erile a tIa bua se sele ke a laletse Bareetsi mo Gaborone gore e re Palamente e tsena ba tle go utlwa a bua le Goromente ka ga "U.D.I." e bangwe ba ratang go e dira mo Botswana. Go bonala gore modipa ga a T~se gore "U.D.I." go rewang tota, o utlwa ba ba itseng Sekgoa ba ntse ba re "U.D.I.", "U.D.L." fela o kgatlhwa ke molodi wa teng. Rona re itse gore "U.D.I." ke "Unilaterral Declaration of Independ-. ence". Ka Setswana go ka twe "Go itseela Boipuso ka thata". Go rewa lefatshe le le busiwang ke le lengwe me le itseela boipuso kwa ntle ga tumalano ya le le busang jaaka Rotesia a dirile. Rona mo Botswana re tsere boipuso mo Pusong ya Ennyelane ka 1966 ka tumalano e e tletseng e le banyana tota ba e itsenk ka ba bonye Princess Marina a re leretse tumalano ya ga Mmamosadinyana motshegare ka kgwedi ya Lwetse e tihola masome a mararo, ka ngwaga wa 1966, ditshaba ka bontsi di phuthegile. Go bua "U.D.I." mo Botswana ka 1967 ke toro ya motshegare. Tota ga re tlhaloganye se a se laleletsang batho ba Gabofone go se bona a se dira mo Palamenteng. Legale gongwe o tla bo a bua a rwele matIhoa a bina a lemile dinaka go ligatha batho, eseng jalo o tia bo * Continued on page 4 Lobatsi Pharmacy (Pty.) Ltd. PATENT MEDICINES - VETERINARY REMEDIES PHARMACEUTICALS AND TOILEtRIES FANCY GOODS DISPENSING OPTOMETRISTS EYE TEST AND SPECTACLES SUPPLIED WE CORDIALLY INVITE YOUR MAIL ORDER ENQUIRIES WHICH RECEIVE SPECIAL AND PROMPT ATTENTION Lobatil P.O. Box 85 Phone 111 PAGE THREE JULY, 1967. THERISANYO - CONSULTATION P.O. Box 85 Lobati

THERISANYO - CONSULTATION * Conti.ued from page 3 SEEMO SA MAI(GOTLA A I(GANETSO MO BOTSWANA a apere dipurapure jaaka a tle a dire fa a rera mo kerekeng ya gagwe ya St. Phillip kwa Francistown. Kwa ntle ga mo ga go na sepe se batho ba tla se utlwang a se bua sa tIhaloganyo. Go bonala gore ka a rata modumo bobe o rata go dira batho ba Goborone dieleele jaaka a kile a dira ba Mochudi a tIa go ba emisa fa pele ga matlo a Palamente ba opela ha bo ba kgala mathe me ene a sena sepe nabo a inwela bojalwa jwa whisky mo tlung a ba tima, ba boela Mochudi bosigo ba phaphaletse melomo le metse tota a sa ba siela. Se re batlang go. se lemosa Morwa Matante ke gore dipolotiki ga se go lotlhanya Goromente le badiredi ba Puso. Seo ke borukutlhi ka Setswana, ka puo ya Sekgoa ke "incitement", e e ganwang ke Penal Code. Badiredi ba Puso ba na ie lekgotla la bone le le nionohileng sentle, le ntse le a ba buelela. Dilo tse monna wa dipolotiki a ka buang ka tsone tsa botshelo di di ntsi jaaka leruo, temo, Chuto, kalafi, ditsela le meepo jalo jalo. Legale rea itse fa kgomo le tshimo e le cereto sa ga Morwa Matante. Me motho ga a lie go bua ka sereto. Baphuting ba ntse ba bua ka phuthi le Bakwena ba bua ka kwena le Bakgatla ba bua ka kgabo me ga ba kgoboge. Erile re tla lemoga gore Morwa Matante o feletswe ke mafoko mo ganong ra utlwa a tseela bareetsi ba gagwe mo Gaborone kgang ya gore o ne a fitlhela batho bangwe ba maemo a matona ba Domkrag mo tseleng ba tswa B.T.C. ka dinao ba ya kerekeng kwa toropong mine a ba pega a ba folosa gaufi le kereke. A re se se supa gore Mantona a Puso ya Domkrag ba palelwa le ke go tlhokomela batho ba bone tota. Bareetsi ba ne ba tshega thata. Ba ne ba mo tshega bomatla ka goho bangwe ba bone ba tswa mo GaMochudi me ba tihola ba rakana le Mapipoloso ba maemo ba ya Kerekeng kana phuthegong ya khansele ka dinao ba tswa ntlheng tse di kgakala tsa motse. Etswa le ene Morwa Motlhagodi wa Palamente yo ebileng e le Mothusi wa ga Morwa Matante (Vice President) o gata ka la ga Moshe, fa a tla utlwa go pagama fa e se a pagama baesekele e be e mo dige a kgoboge. Kwa Francistown le gone Mapipoloso a Town Council ba gata ka la ga Moshe go tswa moseja wa noka go ya toropong kwa phuthegong bokgakala jo bo fetang go tswa B.T.C. go fitiha fa dikerekeng. Karabo ya rona mo leinaneng la batho ba ba neng ba tswa B.T.C. ka dinao ke gore Ma-Domkrag ga re ditsenwa tse di ka tsamayang le mebile ya toropo ka dikoloi ba ntse ba gao ba re "Ma-Domkrag ba ba yang kerekeng ha kae re ba ise!" Re direla thuso yo o e lopang. Rea tla re pege Morwa Otsheleng (Motiakone wa Pipoloso mono Gaborone) a tsamaya ka dinao go tswa a ya seteitshaneng me ga re tsose modumo ka ga re boxie mo-. lato mo go pegeng motho o mo fitfhela a itsamaela ka dinao tsa gagwe. Kafa dilo di tsamayang ka teng re bona se ntle fela gore serwe sa Pipoloso se Morwa Matante a neng a sia ka sone se a mo felela fa a setse a tlhaba dikinane tsa motshegare tsa "U.D.I." jaana Puso ya Domkrag e tla sala e sena Lekgotla la Kganetso. Ga re utlwe botIhoko lefa gotwe "Poo e tsosiwa mokwatla ke dikgongwana". Ga se rona re bolayang makgotla a kganetso, go ipolaya one ka go fora batho ba ba tona. Moipolai ga a lelelwe. Re utlwa fa go na le sebi se se kukelang mo Botswana sa bokomanisi se se kukediwang ke Morwa Koma (Kenneth) wa . Lekgotla le ga ie itse sentle ka ga lone ka go bonala gore ke la borukutlhi le le sa ipapatseng mo bathung motshegare. Jalo ga re na se re ka se bolelelang babadi ka ga lone fa e se gore re ithaile ka metse go tima sebi se fa se ka leka go tuka. Domkrag ga e kake ya lesa mowa wa sekomanisi go anamsiiwa mo Botswana, gonne go dira jalo go tshwana le motho a lesa tau e tsalela fa gare ga meraka ya dikgomo tsa gagwe. Re a itse fa mokgwa wa sekomanisi e le go rukutlhela mo teng le go gapa puso ka polao eseng ka tihopho. Re ntse re bona Morwa Koma a ntse a biletsa magosi le magosana a Botswana dipuisanyo mo dikgokgotshewaneng etswa a ile a ba bitsa baba ba seshaba. Re ntse re lebile ka leitlho le lesesane namane tse dikhukhwa tse di mangole a ditshipi tsa Poo e Khunou e ntse e reta ere "Lenong la ntlha ga le sianelwe". GABERONES HOTEL AND) BOTTLE STORE Phones 4 & 31 GABERONES P.O. Box 5 ALL KINDS OF LIQUOR STOCKED COLD BEER ON HAND A LA CARTE SERVED GABERONES HOTEL BOTTLE STORE Telephone 4 GABERONES P.O. Box 5 ALL GROCERIES STOCKED CHEESE, BUTTER, EGGS COLD MEATS, ETC. JULY, 1967. PAGE FOUR

PAGE FIVE if JULY, 1967. THERISANYO - CONSULTATION ntIheng tsotlhe J*aaka phefo. Fa legale go na le yo o nkganetsang o ka nna a rwala ditlhako a tlhotlhomisa boammaruri jo ke tswang go bo bua. Dikgato tse ke di umakileng jaaka thuto, matamo, meepo, mebereko, ka.-iso le ditsela ke ditshupo tsa goromente yo o t1hoko go tlhofofatsa ditsamaiso. Re tshwanetse ra jala, ra tlhagola ra ba ra leta gore re tle re bone maduo a molemo. BO-PHADI: Dipampiri tsa ditsala tsa rona ba ba reng ba ganetsa puso re ntse re a di bona. Ba re, "Goromente wa Domkrag o neetswe sebaka go t1habolola, a tsholetsa lefatshe la Botswana mme o paletswe - o bonya ebile khudu e botoka, ga gatele pele a tla a dira sogo-sogwane." Mme kana go bua batho ba ba tshabilweng ke Batswana mo ditihophong tsa 1965 le mo go tsa selegae tsa ngongola (1966) ba ba tshaba makgo phe. Ke botsa gore jaanong ba tipilwe ke man- mak-ophe a? Sogo-sogwane bagoma ga ba lemoge fa batlhophi erile go e belaela mo go bone ba se itaya ka ntle, ba bone fa e le bornatshwara-di-aphoga ba sena thari go belega Seshaba sa Botswana. Jaanong ke yone e ba rapelang ba kotla-kotla gore Domkrag a e dire gore a tle a tshabege fa pele ga difatlhogo tsa batho, ba mo t1hoboge jaaka bone. Tsala! Domi ga e nka e lea fela, e tla bofa, mme dithupa tseo tse di bofilweng ga o kitla o di roba. Kooteng mekola fa ba ne ba ka neelwa puso, di ne di tla tsamaya ka marole fela e le tshupo ya go 1pusa, kana ba mumuretse maungo a lefatshe la Botswana, mo le bone e leng basupi gore ke gone go nyesekantseng Goromente wa Ghana ka ponyo. Mme kana gotewa rona bo esemang re sala re t1honame. Domi e leka go phutha maungo a lefatshe, e a kgobokanyetsa bana ba lone gore maduo a re lekane rotlhe. Ruri ga go bitlwe fa puso ya Domie ka tswelela ka sebopego se, mathata a tsela e re e tsereng re ka a fenya, lefa dibothe (nonyane) di ratile, ga re nka re nnannowa ke pina ya tsone ya botshwak.-a di re, "pula e a kae gonne fae kasadi ka a.-a." Re tla e nesa fela go tshetsa seshaba gonne ga ba nke ba aga ba le gope. Batho ba, ga se baganetsi ba boammaruri ka go re ga ba gakolole goromente sepe fa e se go mo fala fela. Ka boammaruri maungo a boipuso a a -molemo a mo mejakong ya matlo a rona ka jaana bosupi bo teng. a molemo a a ka tshwanelang lefatshe la baipaled! ba -itlhabantse. Go ipusa ke go reng? Magaring a rona go sa na le bangwe ba ba rariIweng ke lefifi la mouwane, ba ba gopolang gore ipuso ke go ya go tsaya madi otlhe kwa letlolung la ga Goromente re a kgaogana - a fela; kana re lelcka batshwari ba ditiro tsa puso ba ba nonofileng ba ba gologolo re tsenya makgatlhanathapong a mabetwa kgotsa re simolola go kgotla-kgotla dilo tsa misima ka go rumola mafatshe a a re dikologileng. Nyaa - ga se tshupo ya go ipusa go dira jalo. Maduo a ditiro tsa sebopego se a ka re sulaf alela, a re bipela kgotsa a re nyeletsa gotlhegotlhe. Botswana bo setse bo na le dikgwedi di fera bongwe mo leineng la Domkrag bo sena go amogela Ipuso; mme he, a re tshwaeng tse di diragetseng tsa ditlhabololo go tlogeng foo: 1. Re bona badiredi ba puso ba tshwere ditiro ka dinonofo tsa thuto tsa bone le tlwaelo ya go dira kwa ntle ga mmala, ba amogela marufo ka sebopego se se senang t1haolele. Kwa dibankeng le kae-kae fela mo tikologong ya Botswana mowa o mongwefela mo ditirong, o ntse o a tota. 2. Ditsela tsa lefatshe la Botswana rotlhe re basupi fa e le tsone maitibolo a puso ya Domi jaaka ya Francistown - Maun; Gaborone - Lobatsi le tse dingwe mo metsaneng go leka go phutha seshaba. 3. Thuto goromente . o ik-gorobeletse ka natle yotlhe go gaufisa maungo a yone mo lobakeng lo 10 khutshwane. Monongwaga Matichara a rutwa ke goromente kwa Botswana a se re tiogologe - bone Lobatsi. Sekole sa Francistown se setse se agwa. Sa temo se se tona le sone goromente o setse a se simolotse gaufi le Sebele, le tse din.-We tse dipotlana go agwa kana go okediwa ka dikamore mo dik.-aolong ka bontsi mo Botswana. Gape re bona thuso ya Sekole se segolo sa kitso tse di matsorotsoro kwa Maseru. 4. Matamo a ntse a agiwa mo mafelong a le mantsi thata go dibela loruo lwa rona ka maano a Ipelegeng. To.-a-maano go thapa metse a Okavango go tla a dirisediwa go nosetsa dijalo le yone e ntse e tsweletse. 5. Mophato o o neng o diela batho go itirela jaanong o nyeleditswe ka turnalano. 6. Matimela a a se nang beng jaanong ke a khansele go direla morafe. 7 Goromente o tsweletse go buisanya le magosi le merafe go rebola maungo a tsa meepo. Mme ka go dima, ka Therisanyo, Magosi le merafe ba utlwala ba dumalana. 8. Botsalano jwa rona le mafatshe a mangwe le jone bogolela-a-dimo ka ntata ya maitseo a puso ya rona a ditirisanyo, re sa iphetse jaaka ditsala dingwe tsa rona tsa baganetsi ba re ba ka dira. Go go ntsi pampiri e ka tlala, ke swa go bala mo ruri e leng ditshupo tsa ditlhabololo. Re bonye motlhala wa di se kae jaanong a re rorometseng megopolo gore a tseo tse di boletsweng ga di re lomele mekwatla gore ruri Goromente wa rona wa Domkrag o iteela MADUO A BOIm"mS 1puso fela jaaka tshimo ga e kake ya re neela maduo ape a a molemo fa re sa e somarele, ra e tiotia ka tshisimogo, ra ba ra e etleeletsa pele ka nonofo yotihe ya dikeletso tsa tswele'opele re rerisanya ka bonolo. Gonne, fa re ka diiwa ke bo- phadi - baganetsi ba ba sa reng sepe ka lefatshe la Botswana, ba ba ipolelang gore ba "kana" re t1aabo re sena t1hong go ineela go kobafadiwa ke ba ba ipaletseng. Sengwe le sengwe se bonwa ka mofufutso wa phatla, jalo re tshwanetse go t1hagolela 1puso ya rona gore mfero o se e hupetse, gore maduo MORENA CHILUME LE MORENA ANDERSON KWA BOKONI M ORENA 0. CHILUME -- M.P. wa Nkange le Morena J. Anderson - Regional Organiser - North ba etetse kgaolo ya Nkange mo kgweding e e fitileng. Re ntse re amogela dikgang tse di tswang Bokone re di leretswe ke Morena Anderson yo o leng motsamaisi wa B.D.P. kwa Francistown. Morena Anderson o ne a tsaakana le Morena Chilume ba lelekanye le go utlwa ka ga matshelo le dingongorego tsa batho mo kgaolong ya Nkange, e bile ba tlhalosetsa batho ka ga tsamaiso ya puso le ka fa MaDomkraga a tshwanetseng go tsamaisa tiro ya phathi ka teng. KWA MENGWE Kwa motsing oora-mengwe ba tshwerwe phutego ka kgwedi ya Seetebosigo mme ga bo go le dikgosana borre Mengwe, Dangwe, Mpapo le Mazuwe le morafe wa palo e e ka nnang 500. KWA NKANGE Motse wa bobedi o ba dirileng phuthego mo go one ke wa Nkange kwa polelo kgolo e nnileng ya ditiro BAMANGWATO BURIAL SOCIETY (B.B.S.) LEKGOTLA LA BAMANGWATO LA GO FITLHA BASWI A 0 ITSI KA GA BAMANGWATO BURIAL SOCIETY RE BONE GONE GOMPIENO! IKWADISE MO LEKGOTLENG LA BAMANGWATO LA GO FITLHA BASWI SE LEKGOTLA LE SE EMETSENG KA NAKO YA GO LE LOSO Bamangwato Burial Society e emetse ditiro tse di latelang fa o swetswe:(a) Re tla ntsha Lekese/Kobo ya go fitlha moswi (b) Re tla ka dikoloi tsa rona (c) Re ntsha seaparo (d) Re emetse go thusa ka Dijo; tse di tshwanang le Tea, Sukiri, Boupi jalo jalo. (e) Re dira dithulaganyo le bakokelo go re tshegeletsa Setoto go fitlhela nako ya fa re se batla. RE DITSALA TSA BA BA SWETSWENG BAMANGWATO BURIAL SOCIETY (B.B.S.) e tla fitlha baswi ba rona ka madi a ko tlase; le ka Tlotlo e tona, le ka Phitlho e masisi. Rulaganya go nna mongwe we Lekoko la Bamangwato Burial Society gompieno! Se diege gonne ga go motho o ka laolang nako ya Loso. Rulaganya le: THE SECRETARY/BOARD OF DIRECTORS, BAMANGWATO BURIAL SOCIETY, P.O. BOX 69, . tsa Ipelegeng. Teng go ne go le di. kgosana borre Senete, Mabuwe, Fongwane le Changate mine morafe o ne o ka feta 400 go se kae. CHANGATE - SENETE Mo metsing e mebedi e phuthego e tshwerwe ka letsatsi le le lengwe mine ga ba ga thaiwa lekgotla la basadi mo goora Changate. Le teng phuthego e atlegile thata ka palo e e ka nnang 500 mo metsing-yoo mebedi. TOTOME Mo tikologong ya Totome go fitlhe. tswe batho e kete ba rata go iteega tsebe ka ntata ya gore: (a) ba ne ba sa bolo go katogana le moemedi wa bone. (b) ba ne ba sa utlusisi dikgao dingwe tse di tsewang ke puso ka go tlhaela ditlhaloso. Mine dinatla tse pedi tsa tlhamalatsa seemo se ka go etela metse eo 1 ego tlhalosa dilo tse di tlisang koketso ya "school fees"; ditiro tsa Ipelegeng mo boemong jwa mephato. Phuthego ya Totome e ne e na le batho ba ka nna 600 bangwe e le ha ba tswang kwa Selolwane le kwa goora Magapatona. Ditlhogo tsa morafe borre Selolwane, Magapatone, le Matobo ba ne ba le gona. GOSHIVE - MATOBO Metsana e le yone e ne ya iteka fffata go kgobokanya batho go ta go reetsa phuthego. Kwa Goshwe go ne go le palo e e ka tshwarang 200 le kgosana Nyiwa, kwa Matobo batho ba ne ba ka tshwara lekgolo fela. MATHANGWANE E rile go menogeng ga bone kwa Nkange Constituency banna ba babedi ba tshwara phuthego mo goora Mathangwane ka tshipi. Seetebosigo e le 18. Go nnile le pharologanyo e kgolo ka boora Mathangwane ba seka ba tla phuthegong ka bontsi. Go ne go le batho ba ka nna 30 fela. Legale gago gakgamatse thata ka boora Mathangwane ba sa ntse ba kgarakgatshega magaring a B.P.P. le Front. Ba itewa tsebe ke batho ba tota ba ipatlelang maemo fela ka Jaana yo mongwe a rile go sa tlhophiwa M.P. a tlogela D6mkrag a tsena Front, yo mongwe fa B.P.P. e latlhegelwa ke batho le ene a lekela kwa go Front. Le teng koo fa ba sa bone maemo ba tla fetelela. Domkrag e sego go latlhegelwa ke bo "ke batla maemo". PAGE SIX JULY, 1967. THERISANYO - CONSULTATION

PAGE SEVEN DIKGANG TSA BOTSWANA *Leboko le ga I GOROMENTE 0 THUSA SESHABA * Ka lephata la Banka ya Seshaba ya tihabololo, Goromente o thusitse batho ka go ba adima madi a go reka didiri tsa temo tse di farologanyeng. Se ke nngwe ya dikgato tse puso e ntsia e lekanang natso go di rotioeletsa pele. Batho ba kgona go reka didiri mie ba dire ditiro tsa bone ba ntse ba duela ba iketlile. Lobaka lo lo beelwang dituelo tse tsa madi lo lo leele mo e leng gore go ka kgonega gore motho a duele se a se adimileng ka maduo a sediri sa gagwe. Madi otlhe a a adimilweng batho ke R26,598, mie ga a tsewa e le madi fa e se gore motho o newa sediri sa madi a a rileng a o lopileng go a naingwe. Batho bangwe ba eletsa gore go ka bo go newa batho madi tota gore bone ba ithekele mme go a ganega ka gofe madi a a lebagantswe le tiro e e rileng mme Goromente o tlhoka go bona tswelelopele ya tiro eo ka lobaka lo lo rileng. Fa batho ba newa madi tota bangwe ka go patikega ba ka dira ditiro di sele ka one mme ya re nako ya go lekanya tswelelopele e e dirilweng mo lephateng leo e tia, ga tlhoka go lemosega gore a dikamo tse di na le mosola kgotsa a di fia tshwanelwa ke go khutlisiwa. FRANCISTOWN * Goromente wa Botswana o ntse a gatela pele ka go tsenya matlotlo le maungo a lefatshe leno mo tsamaisong ya pusso ya seshaba. Ka kgwedi ya Seetebosigo e le 26 re badile mafoko a a tswang ofising ya Tautona a bolela fa tsamaiso ya motlakase le metse kwa Francistown di tsentswe mo taolong ya puso ya toropo jaaka re itse gore di ntse di le taolong ya Tati Company- Mo go raya gore madi a a duelelang dilo tse jaanong e tla nna a seshaba sa Francistown. Gape go boletswe fa e le gore dilo tsotlhe tse di thusang matshelo a batho di tshwanetse go tsena mo taolong ya seshaba. Lefa go ntse jalo, tefa e tia tshwanela go nna teng ka jaana Tati Company e senyegetswe go dira ditiro mo kgaolong. BO-RADITOROPO (MAYORS) E Ka e le molao gore baeteledipele ba ditoropo ba tlhotshwe ngwaga le ngwaga, go setse go tlhophilwe batho ba maemo ao le bathusi ba bone kwa Gaberones ,Francistown le Lobatsi. Go boeletse bone ba ngogola - Gaberones, the Rev. D. Jones - Mayor, Mrs. G. Dambe - Deputy Mayor; Francistown, Mr. P. Mincher - Mayor, Mr. J. Anderson - Deputy Mayor; and Lobatsi - Mr. R. D. Molefe --Mayor and Mrs. Scott, Deputy Mayor. Kwa Francistown B.P.P. e ne e supile Mr. G. Modikwe go nna tlhogo ya motse mme a fenngwa ke Mr. Mincher ka tlhopho ya 5-4. * Kgomo tsa matimela di le 27 kwa Kweneng di rekisitswe ka fantisi mie tsa rekwa ka tlhotlhwa e e botokwa ya R760. Madi a tsone a tsenye mo letloleng la Khansele ya Kweneng. Rhanseel ya Mokwena e lemogile fa matimela a na le thuso mo morafing mme go ka sol-ofelwa gore Dikhansele ka Botswana jotlhe di tia fihokomela di ba di bapatsa matimela a tsone jaaka Bakwena. MR SEGOKGO 0 BUA LE BATLOKWA MO PHUTHEGONG * Magatwe-gatwe le dipuo tse di fofisiwang le phefo ka bomo ke baganetsi (boora-Pipoloso) go lotlhanya batho le Puso, tsa gore morafe wa Batlokwa o tla fudusediwa kwa Lefatshing la Goromente, Mabule kwa Nokeng ya Molopo di latofaditswe ke Mothus iwa Tona ya tsa Madi, Mr. M. K. Segokgo mo phuthegong ya morafe mo kgotleng ya bogosi b sheng. 0 boletse fi Puso e sena maikaelelo ape go fu dusa morafe wa Kgosi Gaborone mo iefatshing la bone, lefa e le je lebotlana mo dikgaolong tsotlhe tsa Botswana. Mr. Segokgo o kgothaditse phuthego ya banna le basadi go tlhwaaf alela go tswelela pele mo ditirong tsa go tlhabolola motse le lefatshe la bone. GOROMENTE 0 LOSA DIPEBA N Goromente o leka ka natla go losa petso e e wetseng mo dikgaolong di le dintsi tsa Botswana ya dipeba. O setse a kopile kgakololo kwa makgotleng a magolo a bo-maitseanape go feam sebetso se, mie ba nnile tsebe-ntlha go solofetsa go roromela melemo e re tla upang ka yone. Leesimane oora-Kgabo 1. Leesimane oora-Kgabo dumela! Motho mo khutshwane o gola a sule. Mosimane o tlodile chaka a tlola marumo, Thaka tsa gago di go tshabetse; Ka gobo di tshaba go supya ka mono. 2. O tlhokile bathusi ba go tsholetsa. Setilo o teng kgojana e thata, Ga se setilo sa go nna masilo. Rra gatlha chaka nokeng ya gago wena senatla; O ralale dikaka o kue o tle o utlwatse motse wa Mokwena. 3. Ija! lo baa lo iphimola keledi Bakwena, Ngwana a bokwa a le monnye; O nama a thunya moriri wa tlhogo, A dirwa ke go akanya thata, Ke lebile lona barwa Kgabo. Ke D. B .MMUALEFE. SUPPORT OUR AD VERTISERS JULY, 1967. THERISANYO - CONSULTATION

Phopho ya - B.D.P. 285 B-P-P4 15 PAGE EIGHT JULY. THERISANYO - CONSULTATION W A KGANG 0 SITWA KE WA MMALO. Fa re tsamaya le ditsela le mebila re utlwa go latofatswa boikanyo ja bafho ba Botswana mo go D-omkrag, go kgalwa le ditiro tse di bonwang ka matlho, e bo e re se se ka palang go latolesega e nne tiro ya ba sele e seng badiri ba yone, jaaka dijo tsa ipelegeng, t1hatloso ya mapodisi le tse dingwe go setse gotwe di dirilwe ke bo-maja-polaelo. Mme le fa o ka lata motlhala wa gore dilo tse di diretse jang, ga o kake wa fitlhela gope fa batho bao ba nnileng teng mo tlhotlheletsong ya gore tiro nngwe e dirwe. Batho ga se masilo ba itse go bona bo mooka ntsa a tshwere thupa. Fa go sa ntsd go tshamekwa ba etlaetsa mongwe le mongwe yo o binang a kgatlha seshaba, mme fa go tliwa mo go tsa botshelo ba itlhophela se se ka ba tshedisang. Kwa Mogodi- tshane bosheng jaana Dcmkrag e tswa go t1hopha Morena Lazarus Manthe ka palo ya 285 fa Pipoloso e na le 31 fela. Mme Mapipoloso a re batho ba latlhile D- omkrag. Ngaka e e etang e ipua ga se ya nnete. KWADISO YA BAEMEDI Go ne ga supafala gore Mapipoloso, fela jaaka ka metlha yotlhe fa go tsenwa mo ditlhophong, ba t1haelelwa ke dipelesa (dipholo). E rile go tsoga go isiwa maina a baemedi, ba t1hola ba tabogaka ba senka yo o Ica ba emelang, ba mo tlhoka. Ba re ba kapetsa motho a ba itatole, ba re ba ya mo go yo mongwe le ene a re ga ke lo itse. Letsatsi la go isa maina la ba la tlhaba ba ntse ba se itaya se phaphalala . Fa e feta Mogoditshane koloi e tala ya Domi ka nako ya 9 mo mosong ke ba ntse ba tabogakaka ba setse ba phaphaladitse melomo ba sa t1hole La batla motho yo o non.* tseng tiro, ba setse ba batla m6pao , mongwe le mongwe fela fa e le Mo.' Pni wa Mogodithsane mme a le di.ngwaga di 21. Ba mmonye ba itlho, Eogile mme ba ya go tsena ka thetologo. MPONA KA TLHOPHO Kgaolo ya Mogoditshane e na le metsana e le meraro e e t1hophang motho a le mongwe. Ke Mogoditshane, Kopong le . Metse e mebedi - Kopong le Mmopane e gakgametse e utlwa mo mebileng gotwe ba t1hophe rnoemedi mme Ie fa e le Mapipilisi ka bo one, e sita le ene Moeteledipele wa bone a seke a itshupa sefatlhogo mo go bone. Le mororo ka go gopolwa gore batho, ga ba botlhale ba ka ne ba tseediwa gotwe re t1hopheng ka tsatsi ja bofelo, Mapipoloso a mogolo a He a itshwenya mme ba boelwa ke thupa ya go tlhoka boammaaruri ga bone. Phuthego ya Domkrag ya ngwaga ya Mopito 1967.